1 John 5

Go dumela mo go Keresete

1Fa o dumela gore Jesu ke Keresete, gore ke Morwa Modimo le gore ke Mmoloki wa gago, jalo o ngwana wa Modimo. Mme botlhe ba ba ratang Rara ba rata le bana ba gagwe. 2Jalo o ka ipatlisisa gore o rata bana ba Modimo go le kae, barwa-rrago le bokgaitsadio mo Moreneng, ka gore o rata Modimo go le kae. 3Go rata Modimo go dira se Modimo o re bolelelang gore re se dire, mme go bua boammaaruri, go dira jalo ga go thata gotlhelele; 4gonne ngwana mongwe le mongwe wa Modimo o ka o obamela, a fenya sebe le dikgatlhego tse di bosula ka go ikanya Keresete go mo thusa.

5Mme ke mang yo o ka kgonang go lwa a bo a fenya ntwa e fa e se ka go dumela gore Jesu ka boammaaruri ke Morwa Modimo?

6
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane I 5:8.
7
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane I 5:8.
8
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane I 5:6-8.
Mme re itse gore ke Morwa Modimo, gonne Modimo o buile jalo ka lentswe le le tswang kwa legodimong fa Jesu a kolobediwa, le jaaka a ne a lebaganye le loso, ee, eseng fela ka nako ya kolobetso ya gagwe mme e leng le ka nako e a neng a lebaganye le loso ka yone. Le Mowa O O Boitshepo, o o leng boammaaruri ka bosenabokhutlo o bua jalo. Jalo re na le basupi ba le bararo ebong lentswe la Mowa O O Boitshepo mo dipelong tsa rona, lentswe le le neng la tswa kwa legodimong ka nako e Jesu a neng a kolobediwa ka yone, le lentswe le le neng la utlwala pele ga a a swa. Mme botlhe fela basupi ba, ba bua selo se le sengwe: gore Jesu Keresete ke Morwa Modimo.

9Re dumela batho ba ba ntshang bosupi mo dikgotleng tsa rona tsa ditsheko, jalo re tlaa dumela ka boammaaruri sengwe le sengwe se Modimo o se re bolelelang. Mme Modimo o supa gore Jesu ke Morwaone. 10Botlhe ba ba dumelang se ke se buang se, ba itse mo dipelong tsa bone gore ke boammaaruri. Fa motho le fa e le mang a sa dumele se, o dira Modimo moaki, ka gore ga a dumele se Mo-dimo o se buileng ka ga Morwaone.

11Mme se tota Modimo o se buileng ke eng? Ke gore o re file botshelo jo bo sa khutleng, le gore jone botshelo jo bo sa khutleng jo, bo mo go Morwaone. 12Ke gone le fa e le mang yo o nang le Morwa Modimo o na le botshelo; le fa e le mang yo o senang Morwa One, ga a na botshelo.

13Ke lo kwaletse se, lona ba lo dumelang mo go Morwa Modimo gore lo itse gore lo na le botshelo jo bo sa khutleng.

14Ebile re tlhomamisa se, gore o tlaa re reetsa nako le nako fa re kopa sengwe fela mo go ene ka fa go rateng ga gagwe.

15Mme fa re itse gore o a re reetsa fa re bua le ene le fa re isa dikopo tsa rona, mme re ka tlhomamisa gore o tlaa re araba.

16Fa o bona Mokeresete a leofa ka mokgwa o o sa iseng losong, o kope Modimo go mo itshwarela mme Modimo o tlaa mo naya botshelo, fa e se a dirile boleo jo bo isang losong. Mme go na le boleo jo bo felelang ka loso mme fa a bo dirile, ga go thuse sepe gore o mo rapelele. 17Ee, tshiamololo nngwe le nngwe ke sebe. Ga ke bue ka dibe tse di tlwaelesegileng tse; ke bua ka tshiamololo ele e e isang losong.

18Ga go na ope yo e reng e le wa ba ntlo ya Modimo a bo a santse a leofa, gonne Keresete Morwa Modimo, o mo tshegeditse mme diabolo ga a kake a mo leofisa. 19Re itse gore re bana ba Modimo le gore lefatshe lotlhe mo tikologong ya rona le ka fa tlase ga nonofo le taolo ya ga Satane.

20Ebile re itse gore Keresete, Morwa Modimo, o tletse go re thusa go tlhaloganya le go itse Modimo wa boammaaruri. Mme jaanong re mo Modimong gonne re mo go Jesu Keresete Morwaone yo e leng Modimo wa boammaaruri a le nosi; ebile e le Botshelo jo bo sa khutleng.

21Bana bame ba ba rategang, ikgogeng mo go sengwe le sengwe se se ka tsayang maemo a Modimo mo dipelong tsa lona. Amen. Wa lona ruri, Johane.
Copyright information for TsnLEF